1 Corinthians 6

Go sekisana

1Go ka nna jang fa o na le sengwe kgatlha nong le Mokeresete yo mongwe, o “ya kwa Molaong” o ya go kopa tshekelo ya boheitane go go atlholela mo boemong jwa go e tseela kwa Bakereseteng ba bangwe go ya go atlhola gore ke ofe wa lona yo o siameng? 2A ga lo itse gore letsatsi lengwe rona Bakeresete re tlaa atlhola re be re busa lefatshe? Jalo ke eng fa lo sa kgone go atlhola le tsone dilonyana tse di nnye tse di mo gareng ga lona. 3A ga lo lemoge gore rona Bakeresete re tlaa atlhola re bo re duela baengele ba ba mo legodimong. Jalo lo tshwanetse go atlhola matshwenyego a lona mono lefatsheng ka bomotlhofo jo bogolo. 4Ke eng fa jaanong lo ya kwa baatlhoding ba ba kwa ntle ba e seng Bakeresete?

5Ke leka go lo tlhabisa ditlhong. A ga go na ope mo phuthegong yo o botlhale thata go atlhola dingongorego tse? 6Mme mo boemong jwa se, Mokeresete o isa yo mongwe tshekong mme a sekise mokaulengwe wa gagwe fa pele ga batho ba ba sa dumeleng.

7Go nna le ditshekisano tse di ntseng jalo lo le Bakeresete go raya gore lo fentswe e le ruri. Ke eng fa lo sa ineele mo patikong? Mme lwa tlogela go ntse jalo? E tlaa bo e le tlotlo e kgolo mo Moreneng fa lo ineela go tsiediwa. 8Mme mo boemong jwa gone moo, lona ka bolona ke lona ba lo dirang phoso, lo tsietsa ba bangwe, le e leng bone ba bakaulengwe ba lona tota.

9
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Bakorintha I 6:10.
10
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Bakorintha I 6:9-10.
A ga lo itse gore ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ga ba na seabe mo Bogosing jwa Modimo? Lo se ka lwa itsietsa. Ba ba tshelang botshelo jo bo makgapha, ba ba obamelang medimo ya disetwa, bagokagadi kgotsa banna ba ba tlhakanelang dikobo le banna ka bone ga ba na seabe mo bogosing jwa one. Le fa e le magodu, kgotsa batho ba ba bohula, matagwa, bakgadi kgotsa baikgagapedi.
11Nako nngwe bangwe ba lona ba kile ba bo ba ntse jalo mme jaanong dibe tsa lona di tlhatswitswe, mme lo beetswe fa thoko go nna ba Modimo, mme o lo amogetse ka ntlha ya se Morena Jesu Keresete le Mowa wa Modimo o lo se diretseng.

Boaka

12Ke ka dira sengwe le sengwe se ke se batlang fa Keresete a sa nkganele, mme dilo dingwe tsa dilo tse ga di a ntshiamela. Le fa ke letlelelwa go di dira, ke tlaa gana go di dira fa ke akanya gore di ka dira sekgopi se se ntseng jalo mo go nna se ke se ka keng ka se kganela motlhofo fa ke batla go se kganela.

13A ke re, tsaya kgang ya go ja, Modimo o re neile go nna le keletso ya dijo le mpa go di sila. Mme moo ga go reye gore re tshwanetse go ja go feta jaaka re batla. Se akanyeng gore go ja go botlhokwa, ka gore letsatsi lengwe Modimo o tlaa di nyeletsa tsoo pedi, mpa le dijo. Mme boaka ga bo a siama: mebele ya rona ga e a direlwa moo, mme e diretswe Morena, mme Morena o batla go tlatsa mebele ya rona ka bo ene. 14Le gone Modimo o tlaa tsosa mebele ya rona mo baswing ka nonofo ya gagwe fela jaaka a tsositse Morena Jesu Keresete. 15A ga lo lemoge gore mebele ya lona ke ditokololo tsa ga Keresete? Jalo a ke tshwanetse go tsaya tokololo ya ga Keresete ka e kopanya le seaka? Le goka! 16Le gone a ga lo itse gore fa monna a ikopanya le seaka o nna tokololo ya sone le sone se nna tokololo ya gagwe? Gonne Modimo o re bolelela mo Dikwalong gore ka fa ponong ya one bobedi bo nna motho a le mongwe. 17Mme fa o ineela mo Moreneng wena le Keresete lo a kopana lo nna motho a le mongwe.

18Ke gone mo ke lo rayang ke re tshabang boaka. Ga go na sebe sepe se se amang mmele jaaka sebe se. 19A ga lo ise lo ithute gore mmele wa lona ke legae la Mowa O O Boitshepo o Modimo o lo o neileng, le gore o nne mo teng ga lona? Mmele o e leng wa lona ga se wa lona. 20Gonne Modimo o o rekile ka tlhwatlhwa e kgolo. Jalo dirisang bontlha bongwe le bongwe jwa mmele wa lona go galaletsa Modimo, ka gore ke wa one.
Copyright information for TsnLEF